Jaaka go na le nnete tse di laolang lefatshe, go na le dinnete tsa moya tse di laolang thswaragano ya rona le Modimo.


1. NNETE YA NTLHA

MODIMO WA GO RATA, ME LEANO LA ONA, KA BOPHELO JWA GAGO LE A GAKGAMATSA.

(Ditemana tse di kwadilweng mo bukeng e, di tshwane-tse di balwe ka kelotlhoko, fa go tlhokega mo Bibeleng.)

LERATO LA MODIMO
"Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, kalo wa ntsha morwa ona ya tsetsweng a le esi gore le fa e le mang ya dumelang mo go ena a se ke a nyelela, me a bone bophelo jo bo sa khutleng." (Johane 3:16)

LEANO LA MODIMO
(Go bua Keresete) "Nna ke tlile gore di bone bophelo, me di bo bone ka letlotlo." (Johane 10:10)

Ke eng bontsi jwa batho bo tlhoka letlotlo la bophelo na?


2. NNETE YA BOBEDI MOTHO KE MODIRADIBE ME O KGAOGANE LE MODIMO, KA NTLHA YEO GA A KGONE GO ITSE LE GO LEMOGA LERATO LE LEANO LA MODIMO KA BOPHELO JWA GAGWE.

MOTHO KE MODIRA DIBE
"Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalalelo ya Modimo." (Ba-Roma 3:23)
Motho o bopilwe gore tshwaragano e nne teng magareng a gagwe le Modimo, ka ntlha ya thato ya gagwe a itsamaela tsela ya gagwe me tshwaragano le Modimo ya senyega. Thato e, ye supang bora, ke sesupo sa sebe.

KGAOGANO LE MOTHO
"Gonne tuelo Ya sebe ke loso" (Kgaogano ya moya go Modimo) (Ba-Roma 6:23)

Tswa1

Modimo o boitshepo, motho ke moleofi. Bobedi ba kgaogantswe ke lengope. Motho o dira matsapa a go fitlha go Modimo - Bophelo jo bo siameng, molao, botlhale, jalo jalo, me diteko tsa gagwe tsotlhe ke lefela.

Nnete ya Boraro e araba bothatha bo...


3. NNETE YA BORARO

JESU KERESETE KE ENA FEELA NEO YA MODIMO GO RE REKOLLA. KA ENA O KA KGONA GO ITSE LE GO LEMOGA LERATO LE LEANO LA MODIMO KA BOPHELO BA GAGO.

O SULE BOEMONG JWA RONA
"Me Modimo ona, o re tlhomamiseditse lerato la ona, ka e rile re sa ntse re le baleofi Keresete a re swela." (Ba-Roma 5:8)

O TSOGILE BASWING
"O ile a boa a ipontsha a phela morago ga losho Iwa gagwe, ka ditshupo di le dintsi, a bonala mo go bone ka lobaka Iwa matsatsi a mashome a mane, (40) a bua dilo tse e leng tsa bogosi jwa Modimo." (Ditiho 1:3)

KE ENA FEELA TSELA
"Jesu a mo raya are, 'Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo, ga go tle ope mo go Rara ga e se ka nna.'" (Johane 14:6)

Tswa2

Modimo o fedisitse lengope le le teng magareng a Ona le rona, ke ena borogo ka Jesu, moreswedi mo sefapanong.

Ga go a lekana go itse nnete tse tharo tse feela....


4. NNETE YA BONE

RE TSHWANETSE GO AMOGELA JESU KERESETE; JAAKA MOREKOLODI LE KGOSI KA NOSI, KE GONE RE KA ITSENG LE GO LEMOGA LERATO LE LEANO LA MODIMO KA BOPHELO JWA RONA.

RE TSHWANETSE GO AMOGELA KERESETE
"Me botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe." (Johane 1:12)

RE AMOGELA KERESETE KA TUMELO
"Gonne le ntse le bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo, me le gona go bile go sa tswe mo go lona, me ke neo ya Modimo." (Baefesia 2:8,9)

RE AMOGELA KERESETE KA GO LALEDIWA GA RONA
(Go bua Keresete): "Bona ke eme fa monyako ke a kgwanyakgwanya, ga motho mongwe lefa e le mang a utlwa lentswe la me, a mpulela, ke tla tsena kwa go ena." (Tshenolo 3:20)

Go emogela Keresete go bolela go tla go Modimo, bo-nna bo a latlhwa. Go na le tlhomamo ya gore Keresete o tla tsena bophelong ba rona go Itshwarela dibe, tsa rona, a re dira seo a ratang re nna sona. Go itse dilo tse ka tlhaloganyo kgotsa maikutlo ga go a lekana.

Di dikwa-dikwe tse pedi tse ke disupi tsa maphelo a mabedi.
(Mefuta)

Tswa2

Ke sedikwa-dikwa sefe se se supang bophelo ba gago?
O rata bophelo ba gago bo supiwe ke sedikwa - dikwe sefe?
Tse di latelang ditlhalosa gore o ka amogela Keresete jang?


KA THAPELO O KA AMOGELA KERESETE JANONG KA GO DUMELA.
(Thapelo ke go bua le Modimo)

Modimo o itse pelo va gago, me ga a tshwenyega ke mafoko (polelo) a gago, o tshwenyegile bogolo thata ke boemo ba pelo ya gago. Sekao sa thapelo.

"MORENA JESU, KE A GO TLHOKA, KE BULA KGORO YA BOPHELO BA ME, KE GO AMOGELA O LE MOPHOLOSI LE MORENA WA ME. KE LEBOGA GA O ITSHWARETSE MALEO A ME. NNA SETILO SA BOGOSI SA BOPHELO BA ME. NTIRE MOTHO YO O RATANG KE LE YENA."

A thapelo ye e bolela tlhoafalo ya pelo ya gago?
Ga go le jalo, rapela thapelo ye, me Keresete o tla tsena bophelong ba gago, Jaaka a solofeditse.


O TLA ITSE JANG GORE KERESETE O MO BOPHELONG BA GAGO.

A ruri o amogetse Keresete bophelong ba gago? Go ya ka tshepiso ya gagwe go tshenolo 3:20. Keresete o kae mo go wena? Keresete o rile:- Ke tla tsena mo bophelong ba gago. A tota a ka re timetsa O itse ka matla a fe gore Modimo o arabile thapelo ya gago? (Ke botshepegi ba Modimo ka nosi le lentswe la Ona)

BIBELE E TSHEPISA BA BA AMOGELANG KERESETE BOPHELO BO BO SA KHUTLENG.

"Me tshupo ke yona e, gore Modimo o re neile bophelo bo bo sa khutleng, me bophelo boo bo mo go Morwa ona. Yo a senang Morwa Modimo ga a na bophelo boo. Dilo tse ke di le kwaletse gore le itse ha le na le bophelo bo bo sa khutleng, ke raya lona le dumelang mo leineng la Morwa Modimo." (1 Johane 5:11-13)

Leboga Modimo gonne Keresete a le mo bophelong ba gago, me a se kitla a go tlogela (Bahebera 13:5). Kitso ya gore Modimo o agile go wena le gore o na le bophelo bo bo sa khutleng, di tehg go wena ka nako ye o laletsang Keresete ya yona. Keresete ga a ka ke a go fote tsietsa.

Go ikutlwa gone?


SE TSHEPE MO GO IKUTLWENG

Tshepiso tsa lefoko la Modimo, ke tsona matla (thata ya rona e seng maikutlo. Mokeresete o phela ka tumelo, mo tlhomamong ya Modimo le lefoko la Ona. Setshwantso se sa terena ke sesupo sa tshwaragano magareng a:- Nnete (Modimo le lefoko la ona) Tumelo (Tlhomamo mo Modimong le lefoko le Ona) Maikutlo (Maungo a tumelo le boingotlo Iwa rona). (Johane 14:21)

Tswa3

Terena (tlhogo) e kgona go tsamaya ka letoroko la ga kate le kwa ntle go lone. Go leka go goga terena ka kaBuse ke metshamekwane. Ka baka leo bakeresete se tshepeng dikutlo gonne tumelo mo tlhomamong ya Modimo le tsepiso le lefoko la ona di tia pele.


JAANONG KA O AMOGETSE KERESETE

Nakong e wena o amogelang Keresete, e ieng tiragalo ya tumelo, dilo di le dintsi di diragetse. Dingwe tsa tsona ke tse di latelang:-

  1. Keresete o tsene mo bophelong ba gago. (Tshenolo 3:20, le Bakolosa 1:27)
  2. Dibe (maleo) tsa gago di itshwaretswe. (Bakol. 1:14)
  3. O fetogile ngwana wa Modimo. (Johane 1:12)
  4. O tsene leanong leo Modimo o go bopetseng lona. (Joh. 10:10, II Bakor. 5:14,15,17)

A go teng sengwe se sentle se se ka go tlhagelang (diragallang) ga e se go amogela Keresete. A o rata go leboga Modimo ka tiragalo e? Tebogo le sesupo sa tumelo.

Janong Ge?


DITEMOSO TSA GO GOLA GA MOKERESETE.

Kgolo ya Moya e tswa mo tlhomamomg go Jesu Keresete, Mosiami o tla tshela ka tumelo (Ba-Gal 3:11) Bophelo ba tumelo bo dira gore o tshepe Modimo mo bophelong. (Ditemoso)

  • Tla go Modimo ka thapelo, ka malatsi otlhe. (Joh. 15:7)
  • Buisa lefoko ka malatsi otlhe. (Ditiro 17:11) - Simolola ka Evangedi ya Johanne
  • Utlwa Modimo ka (nako le nako), metlha. (Joh. 14:21)
  • Nna mosupi (paki) wa keresete ka bophelo le polelo tsa gago (Matt. 4:19, Joh. 15:8)
  • Tshepa Modimo Ka dintlha tsotlhe tsa bophelo ba gago. (1Pet. 5:7)
  • Moya o boitshepo o letlelle gore o go tlatse, o go tsamaise, o go fe thata ie bosupi. (Ba-Gal. 5:16,17; Ditiro 1:8)

BOTLHOKWA BA BOKAULENGWE BA SEKRESTE.

Go Ba-Heb 10:25 re rutwa gore re se ke ra kgaogana le phuthego. Re seke ra bakela phuthego. Dikgong fa di tuka mmogo di bonagatsa kganya e kgolo. Legong le le lengwe mo iso, le a tima. Go ntse feela jalo le ka tshwaragano ya gago le bakeresete mogo. Ga o sa tsamaye kereke eo go reriwang keresete mo go yona, le lentswe le gagwe le sa buiwe, tsaya kgakololo e me o etele batho bao ba amoge-tseng Keresete jaaka mopholosi. Ba tlhaloganya le lerato la gagwe.

A o rata go itsise bangwe ka tiragalo ye?


ADDITIONAL ASSISTANCE